John 9

Jesu o foufolola sefofu

1Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse. 2Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?” 3Mme Jesu a araba a re, “Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe. 4Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla. 5Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me.”

6Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng, 7mme a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame” (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona! 8Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?”

9Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, “Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!” Mme mokopi a ba raya a re, “Ke nna yo lo nkitseng!”

10Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang!

11Mme a ba raya a re, “Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!”

12Mme ba mmotsa ba re, “O kae jaanong?” Mme a araba a re, “Ga ke itse.”

Bafarasai ba tlhotlhomisa Jesu

13Mme ba tsaya monna ba mo isa kwa Bafarasaing. 14Mme ya re mo go diragala ga bo go le letsatsi la Sabata.

15Mme Bafarasai ba mmotsa gotlhe ka ga tiragalo eo. Jalo a ba bolelela ka fa Jesu a neng a dira seretse ka teng a se tshasa mo matlhong a gagwe, mme ya re a sena go tlhapa a bona!

16Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone. 17Mme Bafarasai ba retologela kwa monneng yo a neng a foufetse ba mmotsa ba re, “Wa re monna yo o go foufolotseng ke mang?” Mme monna a re, “Ke bona gore e tshwanetse ya bo e le moporofiti a romilwe ke Modimo.” 18Mme Baeteledipele ba Sejuta ba seka ba dumela gore o ne a foufetse, go fitlhelela ba botsa batsadi ba gagwe. 19Erile ba sena go ba bitsa ba ba botsa ba re, “A motho yo ke morwaa lona? A o-tsetswe a foufetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa a bona?”

20Batsadi ba gagwe ba fetola ba re, “e itse gore motho yo ke ngwana wa rona le gore o tsetswe e le sefofu, 21mme ga re itse gore go diragetse jang gore a foufologe, kgotsa gore o foufolotswe ke mang. O setse a godile o lekanye go ikarabela. Mmotseng.” 22
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 9:23.
23
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 9:22-23.
Ba ne ba bua jaana ka ba boifa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba setse ba anamisitse gore mongwe fela yo o reng Jesu ke Mesia o tlaa kgaolwa mo phuthegong.
24Mme lwa bobedi ba bitsa monna yo o foufolotsweng ba mo raya ba re, “Galaletsa Modimo e seng Jesu, gonne re itse gore Jesu ke motho yo o bosula.” 25Mme monna a fetola a re, “Ga ke itse gore a o siame kgotsa o bosula, mme nna ke itse fela gore, ke ne ke le sefofu mme jaanong ke a bona!” 26Ba mmotsa ba re, “O ne a dira eng? O ne a go fodisa jang”? 27Mme monna a ba botsa a re, “Bonang! Ke lo boleletse gagwe fela, a lo ne lo sa reetsa? Ke eng fa lo mpotsa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?” 28Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe. 29Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme fa e le yo ene ga re itse sepe ka ga gagwe.” 30Mme a fetola a re, “Ka ntlha yang, go a hakgamatsa! 31O foufolola difofu, mme o na le ditsebe tse di bulegetseng ba ba o obamelang ba dirago rata ga one. 32Fa e sale lefatshe le simologa ga go ise go ke go nne le ope yo a neng a ka foufola matlho a mongwe yo o tsetsweng a le sefofu. 33Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ka bo a sa kgona go foufolola difofu.” 34Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle.

Bofofu jwa mowa

35Erile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a bona monna yo mme a mo raya a re, “A o dumela mo go Mesis?” 36Mme monna a araba a re, “E mang, rra, gonne ke a batla.” 37Mme Jesu a re, “O mmonye, ebile ke ene yo o buang le wena!” 38Monna a re, “Ee, Morena, Ke a dumela!” mme a obamela Jesu. 39Mme Jesu a mo raya a re, “E tletse mo lefatsheng go naya ba ba foufetseng mo moweng pono le go kaela ba ba ithayang ba re ba a bona gore ba foufetse.” 40Bafarasai ba ba neng eme foo ba botsa ba re, “A wa re re foufetse?” 41Mme Jesu a ba raya a re, “Fa lo ne lo foufetse, lo ka bo lo se molato! Mme lo molato gonne lo ipona gore lo itse se lo se dirang.”
Copyright information for TsnLEF